NWU Institutional Repository

Kanoko ya morero wa bolwantshaaparteite mo pokong ya magareng le ya segompieno ya Setswana

Loading...
Thumbnail Image

Date

Supervisors

Journal Title

Journal ISSN

Volume Title

Publisher

North-West University (South Africa)

Record Identifier

Abstract

Maitlhomomagolo a patlisiso eno ke go tlhotlhomisa le go kanoka tlhagelelo le tlhagiso ya morero wa Maitelo, bogolosegolo wa Bolwantsha-Aparteite mo pokong ya magareng le ya segompieno ya Setswana, ka go dirisa maboko a a tlhophilweng mme a tlhamilwe pelenyana ga 1948 (ka tshimologo ya Aparteite) le moragonyana ga 1994 (ka phediso ya Aparteite). Puso ya Aparteite ya Aforika Borwa e itsege ka go sotla bantsho mme ya ba pateletsa go e lwantsha ka mekgwa e e farologaneng, jaaka tiriso ya Botlhami jwa Maitelo le Boamegi. Go megopolo ya gore Botlhami jwa Maitelo le Boamegi jo bo lwantshang Aparteite ga bo yo mo dikwalong tsa dipuo tsa bantsho jaaka Setswana, le go nagana gore Batswana ga ba tsibogele mathata a seloago-sepolotiki. Patlisiso eno, e leka go tlhotlhomisa bonnete jwa megopolo eo bogolosegolo mabapi le poko ya Setswana, go bontsha fa e fosagetse, go paka fa poko ya Setswana le yona e tsibogetse mathata a seloago-sepolotiki a Aforika Borwa, go supa fa go nnile le mabaka a a rotloeditseng megopolo e e fosagetseng e, jaaka bogoma jwa Seesimane, nyefolo le tlhokomologo ya dipuo tsa bantsho, melao ya kgatelelo ya Aparteite e e neng e diragadiwa ka makgotla a dikiletso, mafapha a thuto le diboto tsa puo. Patlisiso e dirisa molebo wa Botswa-bokoloniale go tlhatlhoba merero le diteng tsa maboko, le wa Bolepopego jwa SeraMaitlhomomagolo a patlisiso eno ke go tlhotlhomisa le go kanoka tlhagelelo le tlhagiso ya morero wa Maitelo, bogolosegolo wa Bolwantsha-Aparteite mo pokong ya magareng le ya segompieno ya Setswana, ka go dirisa maboko a a tlhophilweng mme a tlhamilwe pelenyana ga 1948 (ka tshimologo ya Aparteite) le moragonyana ga 1994 (ka phediso ya Aparteite). Puso ya Aparteite ya Aforika Borwa e itsege ka go sotla bantsho mme ya ba pateletsa go e lwantsha ka mekgwa e e farologaneng, jaaka tiriso ya Botlhami jwa Maitelo le Boamegi. Go megopolo ya gore Botlhami jwa Maitelo le Boamegi jo bo lwantshang Aparteite ga bo yo mo dikwalong tsa dipuo tsa bantsho jaaka Setswana, le go nagana gore Batswana ga ba tsibogele mathata a seloago-sepolotiki. Patlisiso eno, e leka go tlhotlhomisa bonnete jwa megopolo eo bogolosegolo mabapi le poko ya Setswana, go bontsha fa e fosagetse, go paka fa poko ya Setswana le yona e tsibogetse mathata a seloago-sepolotiki a Aforika Borwa, go supa fa go nnile le mabaka a a rotloeditseng megopolo e e fosagetseng e, jaaka bogoma jwa Seesimane, nyefolo le tlhokomologo ya dipuo tsa bantsho, melao ya kgatelelo ya Aparteite e e neng e diragadiwa ka makgotla a dikiletso, mafapha a thuto le diboto tsa puo. Patlisiso e dirisa molebo wa Botswa-bokoloniale go tlhatlhoba merero le diteng tsa maboko, le wa Bolepopego jwa Serašia go tlhatlhoba tiriso ya malepa a puo le popego mo mabokong a Bolwantsha-Aparteite.ia go tlhatlhoba tiriso ya malepa a puo le popego mo mabokong a Bolwantsha-Aparteite.

Sustainable Development Goals

Description

MA (Setswana), North-West University, Mafikeng Campus, 2019

Citation

Collections

Endorsement

Review

Supplemented By

Referenced By